Tswana God's Simple Plan

Baebele e e Boitshepo

Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo; BaRoma 3:23

Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona. BaRoma 6:23

Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; go sa tswe mo ditirong, gore go se nne motho ope yo o tlaa ipelafatsang: BaEfeso 2:8-9

Mme mokgethisi ene, a emela kwa kgakala, le e leng matlho a se ka a a lelaletsa legodimong, a ititaya sehuba a re: 'Modimo, nkutlwela botlhoko, nna yo ke leng moleofi.' Luke 18:13

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. Johane 3:16-17

Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela. 1 BaKorinthe 10:13

Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona. BaRoma 8:38-39

Gonne Keresete ke bowelo jwa molao, go isa tshiamong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang. BaRoma 10:4

Gonne wa re: "Ke go utlwile mo motlheng o o lebosegang, le mo letsatsing la poloko ka go thusa." Bona, jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong ke letsatsi la poloko. 2 BaKorinthe 6:2

Jaana e rile ba utlwa ba tlhabega mo pelong, ba raya Petere le baaposetole ba bangwe ba re: "Bakaulengwe, re tlaa dirang?" Petere a ba raya a re: "Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo. Ditiro 2:37-38

Lo apare motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo biotshepong jwa boammaaruri. BaEfeso 4:24

jaaka go kwadilwe ga twe: "Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela; BaRoma 3:10

Ke gone, jaaka boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile; BaRoma 5:12

Gonne e rile re sa ntse re le bokoa, Keresete a swela baikepi mo lobakeng lo e leng lone. BaRoma 5:6

Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. BaRoma 5:8

Yo o tlhomamisitsweng fa e le Morwa Modimo ka nonofo, ka fa moweng wa boitshepo, ka go tsoga mo baswing; e bong Jesu Keresete Morena wa rona, BaRoma 1:4

ka re itse gore, ka Keresete a tsositswe mo losong, ga a tlhole a swa gope; loso ga lo tlhole lo na le taolo mo go ene. BaRoma 6:9

la go re: Fa o tlaa ipolela ka molomo fa Jesu e le Morena, o ba o dumela mo pelong ya gago fa Modimo o mo tsositse mo losong, o tlaa bolokwa. BaRoma 10:9

Gonne ga twe: "Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa." BaRoma 10:13

Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona. BaRoma 8:38-39