Tswana Luke 2:1-20

Jaana e rile mo metlheng eo ga tswa taolo kwa o Kaesare Aguseto, gore lefatshe lotlhe le kwalwe. Go kwalwa mo ga ntlha, ke mo go dirilweng ka Kuirinio a le molaodi wa Siria. Mme botlhe ba ya go kwalwa, mongwe le mongwe a ya kwa motseng wa ga gabo. Josefe le ene a tlhatloga kwa Galilea, a tswa motseng wa Nasaretha, a ya kwa Jutea kwa motseng wa ga Dafite, o o bidiwang Bethelehema; ka a le wa kgotla le wa losika lwa ga Dafite; a ya go kwalwa le Maria, mosadi yo o mmeeleditseng, a bile a le moimana. Ga dirala ya re ba sa le gone, a fitlha malatsi a o tlaa belegang ka one. Mme a bona ngwana wa mosimane wa ntlha wa gagwe, mme a mo phuthela ka matsela, a mmaya mo bojelong jwa dipitse; gonne go ne go se na bonno mo ntlong ya baeti. Jaana ga bo go le badisa mo nageng, mo lefatsheng leo, ba disitse letsomane la bone bosigo. Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya phatsima ntlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo. Moengele a ba raya a re: "Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe. Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena. Mme se, e tlaa nna sesupo mo go lona; lo tlaa fitlhela ngwanyana a phuthetswe ka matsela, a letse mo bojelong jwa dipitse." Mme baa tshogana ka moengele a bile a na le bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo, ba baka Modimo ba re: "Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone." Ga dirala e rile baengele ba sena go ba tlogela ba ya legodimong, badisa ba raana ba re: "A re yeng fela jaana kwa Bethelehema, re bone selo se, se se dirafetseng se Morena o se re itsisitseng." Jalo ba tla ka potlako; ba fitlhela Maria le Josefe, le ngwanyana a letse mo bojelong jwa dipitse. Ya re ba sena go bona, ba itsise mo ntlheng tsotlhe lefoko le ba le boleletsweng ka ga ngwana yo. Mme botlhe ba ba utlwang ba gakgamadiwa ke dilo tse badisa ba di ba bolelelang. Mme Maria a boloka dipolelo tsotlhe tse, a di akanya mo pelong ya gagwe. Badisa ba boa ba galaletsa Modimo, ba o baka ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba di utlwileng le tse ba di bonyeng, fela jaaka ba boleletswe.